A mafoko ao a kgaogane
Friday, September 18, 2020
E tlaa re gompieno re boele morago re bue ka polelo ele e ka yone re neng ra utlwa fa go kile ga tshwarwa phuthego ya kgotla kwa Oliphants Drift.
Phuthego eo, e kaiwa e ne e tshwerwe ke mopalamente wa Mochudi Botlhaba Rre Mabuse Pule. Gone koo, ga bonala fa mafoko magolo a mopalamente e ne ya nna go kgothatsa morafe go ema ka diano o itshwarela ka diatla e seng go baya gore puso e tlaa ba direla tse tsotlhe; e ba direle sengwe le sengwe. A bo a setse a boletse Motswana a re, ‘Motho ga a direlwe e se nama.’ Go sale foo, a tlatse ka gore,’Phokoje go tshela yo o dithetsenyana.’A re, ‘Se itebe dinala, ema o itshwarele ka diatla botshelo bo tle bo go thamele.’ E nne nnete. O ka di bona kae o thubile kobo segole, mometso one o batla gore di tsene mo ganong, di fete, di wele kwa mpeng, wena o ntse fela? Go nne thata le tse dingwe ditiro di bo di ka nna tsa pala ka pelesa, e belesa ka mpa fa tsie yone e fofa ka moswang.Maloba re ne ra ultwa fa a ne a fetela pele mopalamente a supa fa puso e na le mananeo a a farologanyeng a go tlhatlosa Batswana. Go ya ka polelo mananeo a Rre Pule a neng a a umaka ya nna a go thusa mo temothuong, go tsena dikole, go tlhabolola masimo, le go fefosa phetolo ya tiriso ya lefatshe. Go ntse jalo, re re, ke eo e butswe tsela, a mosepele o tswele pele botshelo e nne bone. Mme godimo ga tsele, ga twe, Rre Pule a bolela fa Tautona a ba romile go tsamaya lefatshe lotlhe ba lebogela Batswana go bo ba ne ba tlhopha ka kagiso le thokgamo. Fa, mopalamente a bo a ne a bua ka ditlhopho tsa setshaba tsa ngogola. A bo a setse a boletse Motswana a re mahura a ngwana ke go rongwa, a raya gore, ngwana o tshwanetse go rongwa, a ema, a direla batsadi. E seng gore batsadi ba nne babotlana ngwana a le teng. Nnyaa, moo e bo e se gone.
Re setse re boletse fa polelo ele ya phuthego ya kgotla kwa Oliphant’s Drift re e tletswe ke Dikgang (Daily News) Hirikgong 21 2020. Fa e bua ka fa e reng Mopalamente Pule o ne a supa ka teng go bo a tshwenyega ka gore ga go na wifi koo, polelo ya re;
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...