A mafoko a se mediwe
Friday, February 14, 2020
Go kaega fa tiro e, e ne e gogwa kwa pele ke Rre Karabo Tshweneyame wa Lephata la Temothuo e ruta ka tlhokomelo ya leruo mme thata e lebile podi. A e re pele ga re fetela pele, re tlhalose sengwe ke se. Bangwe ba a tle ba re lefoko ‘leruo’ ga se Setswana sentle. Ba re go twe, loruo’ e seng ‘ leruo.’ Mme fa re ntse re tla re leba kwa le kwa, ra bona Thanodi e supa gore mafoko a, ‘ leruo,’ le ‘ loruo’ a a tshwana, a raya selo se le sengwe. Mo, go bo go raya gore, mongwe o ka re loruo, yo mongwe a re leruo jaaka polelo e bua mme botlhe ba bo ba bua sentle go se ope yo o phoso.
Go bula tsela ya go tswela pele, potso e nne gore, mme lone leruo le tlhokomelwa jang, kgotsa le tshwanetse go tlhokomelwa jang? Go ya ka polelo ele, Rre Tshweneyame o ne a tlhalosa gore leruo le tshwanetse go agelwa lesaka. Bangwe ba re, lesaka le, ga le a tshwanela go nna lesaka ka leina fela. Ba re, le tshwanetse go agiwa la nna thata, gore e re dibatana di ntse di tsamaya mo bosigo, di tsoma, di palelwe ke go tlhagelela di e ja leruo le le mo teng. Gape, lesaka le, le tshwanetse go nna thata gore le lone leruo le le mo teng le se ka la tlhaga e ise e nne nako ya gore le bolole la tloga la ya le naga, kana, la ya go senyetsa barui, balemi, ba bangwe. A fetela pele Rre Tshweneyame a re, leruo le tshwanetse go nosiwa metsi a a phepa. Ba tlatse ka gore e se nne metsi fela, le mo leruo le nwelang mo go gone, go nne phepa. Bangwe ba nne ba fetele pele ba re, a le dijo le tsone, le mo leruo le jelang teng, go nne phepa. Go tshwanele gore go nne jalo. Mme fela, e re bangwe ba utlwa dilo tse tsotlhe, ba hakgamale, ba re a ba tlaa kgona go tlhokomela leruo jaaka bana. Ba re mo go bone go bokete go dira jalo.
Batswana who marched peacefully for 'Justice for Tshepi' demanded answers. They have now received a detailed account of police investigation and a promise that the file is with the Directorate of Public Prosecutions (DPP). The real test is whether the state now keeps its word without further prodding. In his address, the minister asked the nation to trust the process. He spoke of rigour, not neglect, and pointed to 10 months of...