A e tlogele ka
Friday, July 24, 2020
Gone foo, ra supa fa re setse re kile ra kopana le dipolelo dingwe tse di neng di kaya fa e ne ya re ngwagatlola, le ngwaga ono, mapalamente mangwe a tshwara diphuthego tsa go nna jalo. Mme gompieno re bowa re kopana le polelo nngwe ke eo, e bolela fa e rile ngwagatlola, mopalamente wa Kgalagadi Bokone, Mme Talitha Monnakgotla, a tshwara phuthego ya kgotla kwa Maake. Rotlhe re itse gore, fatshe leno le namile, le atlhame, le tshwana le marota a e rileng thukhwi a re o lobelo, one a re a namile. Ba re, a sena go ipoka, a tloga a taboga thata thukhwi mme a felela nageng, fa marota one a ne a ntse a namela pele. Re re, le ntse jalo fatshe jeno. Se akanye gore o ka le tsamaya, wa le wetsa, wa bo wa le itse lotllhe. Nnyaa. Jaanong, re le Batswana, mafelo mangwe a lone ga re a itse. Jalo he, gompieno, ga re ka ke ra kaya ka botlalo gore motse o wa Maake o fa kae mo Botswana fa e se fela gore, jaaka polelo e bua, o mo Kgalagadi Bokone. Gape, o kaiwa o tshwaraganngwa ke tsela le metse ya Lehututu le Hunhukwe. Re re, Hunhukuwe ene ga re mo itse, e bile ke la ntlha re mo utlwalela. Wena fa o mo itse, o ka mo kaya sentle gore o fa kae. Thusa, matlo go sa mabapi.
Go gatela pele re re, go bonala fa morafe wa Maake o sale o ledile ka lenyora mme e bile ba setse ba tshoga gore, ba ka nna ba sala ba iphotlhere leruo la bone le motilwe ke go tlhoka metsi. Jaanong, phuthego ya bidiwa go ya go lekodisa morafe ka seemo sa thulaganyo ya go o gokelela metsi. Ga twe, mopalamente, Mme Monnakgotla, a tlhalosa fa thendara ya go gokela metsi go tswa kwa Ncojane e sa ntse e le fa pele ga kgotla ya ditsheko. Gore molato, kana, mabaka, ke eng go bo thendara e le koo, ga re itse ka gore polelo ga e bue sepe ka seo.
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...