Ga o tsenngwe gope

Fela jaaka gale, e ne ya goroga kgwedi ya Phalane kgwedi e Motswana a reng ke ya di-phala di tsala.

Gape, ka  ngwao ya Setswana, ke nako ya pula e phaila mme letsema le ntshiwe. Go ya ka gore re ntlha efe ya Botswana, bangwe ba re le bulelwe, ba bangwe ba re le bolodiwe mme go bo go ntse go tshwana, e le (e seng ele) selo se le sengwe. Gompieno re utlwa fa ka yone kgwedi e, letsema le ne la bolodiwa kwa Makaleng le metse e mengwe e e (e seng ee) gaufi le Makaleng. Ka go bolotsa letsema ga se tiro ya go etelelwa pele ke mongwe le mongwe, e etelelwa pele ke kgosikgolo, koo la bo le bolodiwa ke Kgosi Thuso Ramokate wa Makaleng.

Polelo ele, e e reng go ne ga bolodiwa letsema kwa Makaleng, re e newa ke Dikgang (Daily News) Phalane 5 2020.

Editor's Comment
Stakeholders must step up veggie supply

The Ministry of Agriculture, local producers, retailers, and industry associations must work together to overcome the obstacles hindering vegetable production and distribution.This collaborative approach is essential to improve the availability, quality, and affordability of vegetables in the market.Firstly, the Ministry of Agriculture should provide support and guidance to local farmers to enhance their productivity and efficiency. This could...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up