A re utlwe le ka tse di phutlhameng

Madi a tshwanetse go nna le motlhala, e re a tswa, go itsiwe gore, a ya kae, a ya go dirisiwa jang. Fa a se na go dira se a se dirang koo, go itsiwe gore, go robilwe eng mo go sone. Fa a ka tswa fela, mme ga se ka ga bonala gore a dirile eng, foo a ile le naga.

Ga re badupi ba dibuka tsa madi. Ga re ise re ke re tlhodumele dibuka tsa mananeo a puso a go tlhatlosa Batswana.  Mme fela, fa re ntse re reeditse, re feta ka  metswedi mengwe ya dikgang, re a tle re utlwe go buiwa ka fa mananeno mangwe, bogolo jang la nyeletso lehuma le la banana (YDF), a tsweletseng sentle ka teng. Go bolelwe gore, e rile bangwe ba se na go thusiwa, ba tlhagafalela go dira tse ba neng ba rile ba tlaa di dira. Bangwe ba rue, bangwe ba bule dikgwebo. Botlhe ba atlege, ba tswelele pele. 

E a re go utlwa se, re bone gore motlhala o teng. Re bone gore, madi ale, le fa re sa itse gore a dule e le bokae, gone a dira sengwe se se ka tsogang se belega Batswana. Bangwe ba ba kwa tlase,  ba tswe pelo, ba eletse go ipona le bone ba ruile kana ba butse dikgwebo tsa bone.

Editor's Comment
Closure as pain lingers

March 28 will go down as a day that Batswana will never forget because of the accident that occurred near Mmamatlakala in Limpopo, South Africa. The tragedy affected not only the grieving families but the nation at large. Batswana throughout the process stood behind the grieving families and the governments of Botswana and South Africa need much more than a pat on the back.Last Saturday was a day when family members said their last goodbyes to...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up