PAC e kopa bakwaledi go buisa dipalo

Moyo
Moyo

Mopalamente wa Tati Botlhaba, Samson Guma Moyo, o tlhaloseditse bakwaledi le baokamedi ba maphata gore ba tshwanetse ba bo ba le mo seemong sa go tlhalosa le go buisa dipalo tsa maphata a bone fa ba lebagana le khuduthamaga ya palamente ee tlhatlhobang dibuka tsa puso (Public Accounts Committee kana PAC).

Moyo a re fa bakwaledi le baokamedi ba ipega fa pele ga PAC mme ere ba botswa ka dipalo tsa maphata a bone ba bo ba sena dikarabo, ga go supe boeteledipele le tlhwaafalo. “Ditsetlana tsa PAC di tlhamaletse ebile di tshwanetse tsa salwa morago.” Moyo o gakolotse bakwaledi le baokamedi ba maphata ba ba setseng ba fetile fa pele ga khuduthamaga e ya palamente.

Mokwaledi wa lephata la botsogo, Shenaz El Halabi, ke mongwe wa ba ba neng ba tsena fa PAC e botsa dipotso mabapi le dipalo tsa lephata segolo bogolo mo go tsa madi.

Editor's Comment
Closure as pain lingers

March 28 will go down as a day that Batswana will never forget because of the accident that occurred near Mmamatlakala in Limpopo, South Africa. The tragedy affected not only the grieving families but the nation at large. Batswana throughout the process stood behind the grieving families and the governments of Botswana and South Africa need much more than a pat on the back.Last Saturday was a day when family members said their last goodbyes to...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up