Ya mosimane ke e nkgwe kwa Mosetlheng

No Image

Badiramolato ba ba felelang ba le kwa lekgotleng la Setswana la ditsheko la Urban kgotsa kwa Mosetlheng, ba ka bolela botoka fa ba botswa gore fa gotwe ‘ya mosimane ke e nkgwe’ go tewa jang, ka ba tlhaloganya se botoka ka ba amogela dithupa tse di botlhoko mo maragong morago ga katlholelo molato o ba o dirileng.

E ne ya re bosheng kamore ya mapodise ya bo e utlwala e na le modumonyana okare wa phokoje ka paka ya letlhafula, kgotsa phiri e sa tswa go ja morobana wa podi, mme ba ba neng ba utlwa modumo o, ba ne bas a itse sentle gore ke wa eng tota. Fela one ya bo e le wa botlhe ba ba neng ba sekile mme morago ba atlholwa dithupa di le nne mo maragong ka go dira melalo e e farologanyeng, bogolo jang ya botlhoka tsebe fela jwa banana.

Lekgotla la ga mothusa gosi ya Urban mo Gaborone, Sophie Radipati le ne la bolelelwa fa mosikisiwa Otsile Tolobu(26 dingwaga), e ne ya re kgwedi ya Seetebosigo e le malatsi a le lesome le bongwe, monongwaga a ne a itaya mongongoregi Moses Tlhowe ka diatla, a ba a mo gobatsa mo godimo ga leitlhola molema le mo mangoleng. Mokwalo wa lekgotla o ne wa bolela fa mosekisiwa, Tolobu, a ne a lwantsha mongongoregi kwa ntle ga marekisetso a Maruapula, mme ebile a dira jaana kwa ntle ga mabaka ape fela, go tlaleletsa bosupi jwa mongongoregi, pampiri ya bongaka e ne ya ntshiwa go bewa fa pele ga lekgotla, e supa dikgobalo tse di bonweng ke bongaka. E ne ya re mosekisiwa a sena go balelwa mokwalo wa lekgotla, a bolela fa a tlhaloganya molato o a o lebisitsweng sentle, mme erile a botswa gore a o ipona molato, a seka a wetsa lekgotla dingalo, ka a ne a bolela gore ka boammaaruri o ipona molalo.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up