White Diamonds ke mmampodi

LETLHAKANE: Setlhopha sa kgwele ya dinao sa White Diamonds se fetogile bommampodi ba liki ya e potlana ya ntlha kwa Boteti ka Sontaga morago ga go tshameka maleka le sa Letlhakane United. Diamonds e ne e tlhoka ntlha go nna bafenyi.

Ga bo go le thata e e robang dimapo kwa lebaleng legolo la metshameko lwa Letlhakane, fa ditlhopha tsoo pedi di ne di kgarametsanya jaaka badisa ba leruo ba lwela mafudiso, mme White Diamonds ya fetoga mmampodi ka maneelo a dikonyana.

Ditlhopha tseo di ne tsa perepetshana jalo morago ga go phadisana le tse dingwe, tse  e rileng fa phadisano e thuthafala tsa wela bodibeng mme ga sala tsone ka bobedi go lwela bosimega.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up