VDC ya Serowe e lela ka leswe

Makgalemele a tsaya megopolo SENEPE: ZOLANI KRAAI
Makgalemele a tsaya megopolo SENEPE: ZOLANI KRAAI

SEROWE: Monnasetilo wa komitikgolo ya ditlhabololo ya Serowe, Rre Gaeelwe Kennekae o supile matshwenyego ka seemo sa leswe mo motseng wa Serowe. Kennekae o buile se bosheng kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mothusa-Tona kwa Ofising ya ga Tautona Dikgang Makgalemele, kwa kgotlengkgolo ya Gammangwato.

O supile ka monwana setshaba ka kakaretso, badirelapuso le bagwebi go bo ba na le seabe mo go kgotlelesegeng ga tikologo. Kennekae o boletse gape fa a sa itumedisiwe ke seemo se se jwelelelang pele sa go epiwa ga mmu mo mafelong a go sa letlelelweng go dira jalo teng, tota le mo dinokeng, mme go sena diteseletso.

Kennekae o supile gape matshwenyego ka ditiro dingwe tse khansele e di abelang Ipelegeng, a bolela fa VDC e na le bokgoni jwa go aga le go tlhokomela dikago tsa matlo a boithomelo, le ditsela tse dirisiwang ke batho ba dinao. “Ka jalo Tona, fela jaaka re na le bokgoni jwa ditiro dile mmalwa, re lopa jalo go fiwa tsamaiso ya go phephafatsa tikologo,” Kennekae a rialo.

Editor's Comment
Diamond deal demands transparency

Instead, it has sparked a storm of accusations, denials, and unresolved questions about the influence of De Beers on the nation’s politics. Former president Mokgweetsi Masisi’s claims that the diamond giants bankrolled his removal to dodge taxes – and that the new Umbrella for Democratic Change (UDC) government watered down a favourable diamond deal – are explosive matters. But without evidence, they risk becoming a toxic distraction from...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up