Tshaaowe Karekatee - Mmelegisi wa setso

Ka teme ya Sesarwa sa Seshuakhwe fa go twe Tshaaowe ka Setswana go a bo go twe ‘’boteng jwa metsi.’’ Leo ke lone leina la mosadimogolo yo, yo eleng motho wa letso la Sesarwa mo lefelong le le bidiwang Mapete gaufi le motse wa Letlhakane mo kgaolong potlana ya Boteti.

E re ka mogologolo a kile are ga go tume di melala fela, nkuku Tshaaowe Karekatee o tumile thata ka ntlha ya botlhale jwa gagwe jwa go belegisa bomme. Naledi e ne ya jela nala mmelegisi yo wa setso go buisanya nae ka botshelo jwa gagwe.

‘’Xhlom too, too chaiyaha ki xwaaxwaa; too mayo gua haa karobe? danakhwe ham ki aye wa, to kwa nao kwa kaa?’’ nkuku a kgwa Naledi kgaba jalo ka teme ya gagabo ya Sesarwa mme morago a ipolaya ka ditshego. Tota mafoko a gagwe a tumediso kgotsa kamogelo a ne a re, ‘’Dumela ngwana a ngwanake. O le tlhaga ntlha efe lefatshe lekau? Tota wa re mo lwapeng lame o batlang ka ga gona makgarejwana?’’ Morago ga seo nkuku a phuthologa mme puisanyo ya gagwe le Naledi ya thathologa jaaka tlhale morutseng.  “Ke nna ngwana wa maitibolo mo baneng ba le batlhano. Re tshotswe re le basetsana ba le bararo le basimane ba le babedi mme rotlhe re sa ntse re babaletswe ke mmopi gonne ga go ope yo o tlhatlogetseng badimong go fitlha jaanong,’’ nkuku a bulela puisanyo a bo a tswelela a re, ‘’Ke tsholetswe gone mo Mapete mo. Ke ngwana wa ga Rre Karekatee le Mme Kuruxwaa, ba botlhe eleng Basarwa ba Boteti. Leina la ga rre e leng Karekatee fa le ranolelwa mo Setswaneng go a bo go twe ‘ema ka dinao’ fa la ga mme lone eleng Kuruxwaa go a bo go twe tibenyana/phagenyana.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up