Tsela ya Modipane/Mabalane ke eo!

Issac Mabiletsa o tla bona boroko jaanong
Issac Mabiletsa o tla bona boroko jaanong

Mopalamente wa pele wa kgaolo ya Kgatleng Botlhaba, e gompieno e bidiwang Mochudi Botlhaba, Isaac Mabiletsa o kile a lwa thata ka tsela ya Mmamashia/Mabalane a re o kopa gore e tshelwe sekontere dingwaga di le dintsi a le mo palamenteng.

Mabiletsa o bile a ngongorega ka gore e na le go ntshetswa madi, mme morago a tsewe a isiwe kwa ditseleng tsa dikgaolo di sele, a re go raya gore e yone e batla gore ditonki di mele dinaka pele ga e ka dirwa, se jaanong go lebega se diregile ka puso e tsere tshwetso ya go e aga ka lenaneo la go rudisa itsholelo (ESP) ngwaga o o tlang.

E rile bosheng, mo loetong la Seromamowa sa Botswana kwa metseng ya noka ya Madikwe kwa Mmathubudukwane, mogolwane wa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse yotlhe ya noka, Richard Phokontsi a bolela fa ba tletse ka boitumelo mabapi le go tshelwa sekontere ga tsela ya Mmamashia/Mabalane, kgotsa Modipane/ Mabalane. Tse dikgang di tla a dira gore Mabiletsa a bone boroko ka tota gone go supagala gore tsela e ga e mo robatse gotlhelele.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up