Tse dilotlele di kgaolwa ke boammaaruri

Motshameko wa kgwele ya dinao mo Botswana o tswa kgakala o ntse o tshabelelwa ke mfofolela wa dikgang. Mme le fa e le ka letsatsi lepe ga go ise go ke go nne gore diofisi di jewe ka ditshaene le dilotlele go kganelela beng ba tsone kgakala le dibuka tsa bone.

Se se dirang gore beng ba diofisi tse, Bennet Mamelodi le Walter Kgabung, ba eleng bone bagolwane le batsamaisi ba liki e kgolwane e, ba iphitlhele ba le babogedi fela jaaka mongwe le mongwe yo o se nang thata ya go tsamaisa liki.

Ka jaanong bagolwane ba liki ba lotleletswe kwa ntle, motho o ka ipotsa gore a le bone jaaka moaposetolo Poulo wa mo Baebeleng, ba na le tumelo ee tsepameng gore boammaaruri jwa bone bo tlaa kgaola ditshaene le dilotlele tsa diofisi gore mabati a bulege ba tsene mo go tsone gape?

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up