Teemane ya Debswana e imela mekaloba

Nako ya thapelo, Mogoditshane Fighters
Nako ya thapelo, Mogoditshane Fighters

Liki ya ntlha ya setshaba ya Debswana e tshotse ditlhopha di le mmalwa tse go solofelwang fa di tla a lwela bosimega jwa go tlhatlogela kwa liking e kgolwane ya beMOBILE morago ga ntwa e e matlho mahibidu e go lebegang teemane ya Debswana e imela mekaloba mengwe.

Mo kgaolong ya Borwa gona le ditlhopha fela tse di mashetla, mme ebile di kile tsa tshameka mo liking e kgolwane ya beMOBILE, mme tsa iphitlhela di pitika mo leroleng la liki ya Debswana ka ntlha ya go sa dirang sentle ga tsone dingwaga tse di fetileng.  Ditlhopha tse di akaretsa gareng ga tse dingwe Notwane, Prisons XI, Mogoditshane Fighters , Unioa  Gabane Santos tse go solofetsweng fa di tlaa tsweledisa fa di tlogetseng teng ngwaga e e fetileng.

Setlhopha sa Notwane se fologile le go wela mo liking ya Debswana ngwaga e e fetileng, mme sa seka sa simolola sentle ka se ne se latlhegelwa ke metshameko ya ntlha e le mmalwa, go fitlha go goroga mokatisi yo o maitemogelo,  Wire Kaelo. Go goroga ga gagwe go ne ga dira gore Notwane e simolole go tlhomaganya diphenyo go ipaya mo maemong a a botoka mo lokong le gone go naya barati le balatedi ba yone tsholofelo ya gore setlhopha sa bone se ka kgona go boela kwa godimo.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up