Tebbie o emeletsa phuthego ya Modimo

Moopedi wa mmino wa Sekeresete, Tebogo Tebbie Sethomo o santse a itshupa sentle fa a sena molekane fa go tsenwa mo kopelong ya mmino o, sengwe se a se supileng ka Sontaga ga a diragatsa fa pele ga matshwititshwiti a batsena tirelo ya dikereke ya malatsi a ga tautona.

Kopelo ya gagwe e ne ya tlogela phuthego ya Modimo e eme ka dinao e letsa megolokwane le melodi go lemotsha Tebbie fa a dira tiro e ntle thata.

Dikhwaere ka go farologana di ne di ntse di hapaanela serala go opela le go romela melaetsa ya tsone ka kopelo, mme erile go bitsa leina la moopedi yo, Tebbie, ditlhogo tsa batsena tirelo, go akaretsa le tautona wa pele wa lefatshe la Botswa Sir Ketumile, matona a puso, bagolwane ba maphata a puso, baemediba mafatshe a sele mo Botswana le tautona wa diphathi tsa Sekhukhu Duma Boko tsa tsholetsega go leba kwa seraleng.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up