Rocking Stars ba golola Alebamo

Alebamo ya Rocking Stars
Alebamo ya Rocking Stars

Morago ga go kgwiwa jaaka segotlhola sa mogotlhwane wa Mariga ngwaga e e fetileng ke moopedi yo o tumileng wa lefatshe la Botswana Magdelene Lesolebe kgotsa Charma-Gal jaaka a tlwaelesegile go bidiwa mo mererong ya mmino, banana ba, ba ne ba bona gore selelo ga se kake sa ba thusa ka sepe, mme ba bona go le botoka go kopana go tlhama setlhopha sa The Rocking Stars.

Ka ba ntse ba le mo mminong dingwaga di le mmalwago ne ga nna bonolo mo go bone go tlhama dipina go golola alebamo ya bone ya ntlha e ba e biditseng ba re ke Analogue to Digital.

Le fa ba santse ba hakgametse ka fa Charma-Gal a ba tsereng ka teng fa ba le kwa Maun mo loetong la go opela le go bina le ene, banana ba ba re ga batle go senya nako e ntsi ba lela ka se, ba re Motswana a re ‘mashi ga a tshologile a tshologile ga gona yo o ka tlholang a a olela,’eleng seo ba boneng go le botoka le go tswelela le mosepele wa bone wa go opela le bina ka go bereka mmogo e le setlhopha.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up