Re tsweletse ka kwadiso ditsha � Gaorutwe

Baikopedi ba ditsha kwa lekgotleng lebotlana la ditsha la Oodi
Baikopedi ba ditsha kwa lekgotleng lebotlana la ditsha la Oodi

Monnaasetilo wa Lekgotla Potlana la Kaboditsha la Oodi, Peggy Masego Gaorutwe a re lenaneo la Puso la go kwadisa ditsha tsa bonno le ntse le tsweletse mo kgaolong e e ka fa tlase ga lekgotla potlana la gagwe, a re go botlhokwa thata gore beng ba ditsha tse di mo go yone ba tlhwaafalele go kwadisa ditsha tsa bone.

Fa a bua le Naledi ka Mosupologo, Gaorutwe o boletse gore Lephata la Ditsha le Matlo le boloditse letsholo la go kwadisa ditsha, mme go le mo maruding a makgotla a kaboditsha go ralala lefatshe lotlhe la Botswana go akaretsa le la Oodi go tlhomamisa fa beng ba ditsha ba di kwadisa ka nako e ba e beetsweng. O tlhalositse gore lekoko la lekgotla la gagwe le dule mo diofising go leba kwa baaging ba kgaolo go ba atamela gore ba kwadise ditsha tsa bone ntle le mesepele epe e meleele.

Mme Gaorutwe a re o kopa beng ba ditsha mo metseng ya kgaolo ya gagwe ka go farologana, ebong Oodi, Matebele, Dikwididi, Modipane, Mokatse Morwa le Bokaa go tlhomamisa gore fa lekoko la bone le le kwa metseng ya bone ba kwadise ditsha tsa bone ka dipalo tse di kwa godimo, kgotsa botlhe.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up