Rapharing o falotse kgolegelo

LETLHAKANE: Phillip Rapharing, wa dingwaga tse di masome mane le bongwe (41) wa kgotla ya Tawana kwa Letlhakane mo kgaolong potlana ya Boteti, o ne a iphitlhela a setse a shebasheba fa pele ga lekgotla la Setswana la Letlhakane ka mabaka a go arabela molato wa go utswa.

Rapharing o lebisitswe molato o le mongwe wa go utswa dijo tsa madi a a kanang ka P133.45 kwa marekisetsong a Spar a Letlhakane. Go ya ka mabaka a tsheko a a neng a alwa ke mosekisi e leng Constable Tlhaga Tlhaga wa sepodisi sa Botswana, mosekisiwa o ikgogetse megogoduma mo kgweding eno e tlhola lesome monongwaga.

Rapharing yo a neng a le bonolo jwa kwana kwa tshekong, ka Mosupologo wa beke eno, ga aka a isa kgotla kwa le kwa, mme a ipona molato ka bofefo a bolela fa  a utswile dijonyana tseo.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up