Pii Kamkwae - Matwetwe wa bola jwa Sesarwa

Pii Kamkwae
Pii Kamkwae

Monna yo, Pii Kamkwae, ke matwetwe wa bola jwa Sesarwa yoo tlotlegang kwa gagabo mo lefelong le le bidiwang Hitsam-goo mo kgaolong potlana ya Boteti.

Naledi e ne ya mo jela nala bosheng go mmotsolotsa ka botshelo ja gagwe. Kwa tshimologong o ne a sa dumele gotlhelele go buisanya le Naledi ka a ne a re badimo ba gagwe ga ba ise ba mo letle go dira jalo. E rile moragonyana fa a sena go ngunanguna a opela pina ka Sesarwa e e tlhaloganngwang ke ene fela, o ne a ethimola kgapetsakgapetsa a rototse matlho okare o kgamilwe ke tata (thapo) ya morula. Morago ga seo monna wa Mosarwa o ne a dumela go buisanya le mmegadikgang a remeletse thata mo mererong ya bongaka jwa gagwe jwa setso.

“Fa gotwe ngaka ya setso, ka Sesarwa ga twe Tsookao,” Pii a tlhalosa jalo.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up