Phuthegokgolo ya Kgatleng ga e a fela �Magosi a tsile a le makgamu mabedi

Clifford Mogomotsi
Clifford Mogomotsi

Erile ka mafelo a beke, makgotla a motshameko wa kgwele ya dinao ka go farologana ga diliki le dikgaolo go ralala Botswana a bo a tshwere bokopano jwa go rola dipego tsa dingwaga tse pedi tse di fetileng, le gone go tlhopha maloko a dikomiti tse disha.

Fela, se ya bo ese se se diragalang kwa kgaolong ya Kgatleng kwa bokopano bo neng jwa fetoga dingangisano fa gare ga komiti e e eteletsweng ke Clifford Mogomotsi le bagolwane ba ditlhopha. Ditlhopho tsa seka tsa nna teng gotlhelele. Fa ka fa go le lengwe letlhakore la setlhopha sa koo se setona, Mochudi Centre Chiefs, sone se ne se emetswe ke makgamu a a farologanyeng.

Bagolwane kgotsa baemedi ba ditlhopha tsa Kgatleng ba ne ba goroga kwa ntlong lehalahala ya sekole sa ithutelo tiro sa Oodi (Oodi College of Applied Arts and Technology[OCAAT]) ka Matlhatso ba itse fa ba ya go amogela dipego go akaretsa tsa madi le tsotlhe tse di ntseng di diragala mo kgaolong dingwaga di le pedi tse di fetileng. Mo godimo ga se ba itse gape fa jaanong ba ya go tlhopha komiti e ntsha e e tla a tsamaisang merero ya motshameko wa kgwele ya dinao le diliki mo Kgatleng dingwaga tse pedi tse di tlang.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up