Pheto a re Emelang Jeso

No Image

Baopedi ba mmino wa sekeresete ba tlaa tshwanelwa ke go gogela dikausu godimo ka moopedi yo mongwe, Johnson Pheto, a tla a le bogale go gaisa ka alebamo e nngwe ya gagwe e a sa tswang go e golola.

Monana yo, Pheto, ga mosha mo mminong wa sekeresete ka a setse a kile a somola e nngwe alebamo.  Mme fela gompieno pharologanyo ke gore o tla a itumile molomo wa tlase ka alebamo e ntsha e ya gagwe.  O e biditseng fela a re Emelang Jeso. Alebamo e e na le dipina di le lesome.

A bo a di tlatsa ka tse pedi go tswa mo go ya Calvary, go nna palo gotlhe ya 12. Se e ne e le go gakolola barati le balatedi ba gagwe motlhala wa gagwe.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up