Otlogetswe o atla buka ya ga Sebutlana

Otlogetswe
Otlogetswe

Matshwititshwiti a batho a akaretsa Bishop Michael Gaotloge, Apostle Percival Mthetwa, Deputy Commissioner Prisons Mme Bogosing, Ramapodisi wa Broadhurst, baruti go tswa mo diphuthegong tse di farologanyeng, baemedi ba marekisetso a dibuka ba CAN le Exclusive, Book Centre, Lekgotla la BALA le setshaba, ba ne ba tshologetse tshimolodiso semmuso ya buka ya ga Moapostole Letty Sebutlana, e a e biditseng a re, “ Scars of Life,” kwa kerekeng ya Lontone ya Broadhurst mono Gaborone.

E ne ya re fa a simolodisa buka e e leng ya boraro ya ga Sebutlana, Professor Thapelo Otlogetswe, yo le ene eleng mokwadi wa Setswana, a supa gore le mororo a sa ithutela dithuto tsa tumelo, mme gone o badile buka ya ga Sebutlana. O supile fa buka e supa gore re tshela mo dinakong tse di thata, “gona le batho mo kerekeng ba ba ratang go ipaya jaaka ekete ga ba na mabadi, mme ba na le one, le ba ba amogelang gore ba na nao.” Otlogetswe o tlhobaetswa ke gore okare kereke ga e dire go lekanye go itebaganya le matlhoko a batho.

“Gantsi fa o ka itshupa gore o raletse matlhoko, batho kwa kerekeng ba na le go go leba jaaka ekete ga o a nna sentle,” Otlogetswe a tshwaela.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up