O sekela go kgagola P100

MMEYA: Badirileng Magacha wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro (33) wa motse wa Mmeya mo kgaolong ya Boteti, o ne a iphitlhela a setse a shebasheba mo lekgotleng la ga mmakaseterata la Letlhakane a lebisitswe molato wa go kgagola lekgolo la dipula (P100.00) se sele kgatlhanong le melao ya Banka ya Botswana.

Mosekisiwa, yo o neng a lebega a tshwerwe ke kgakge mo lebokosong la bosekelo, o ne a tlhageletse jalo fa pele ga ga Mmakaseterata wa Letlhakane, Queen Moanga, go arabela  molato oo, mo tshekong e e neng e tsamaisiwa ke lepodisi la maemo a Sejane la kampa ya Letlhakane, Ogone Motsholathebe, bosheng. E re ka mosekisiwa a iponye molato a bo a bolelela lekgotla gore o kgagotse madi ao ka ntlha ya gore o ne a betilwe ke pelo, o ne a balelwa mabaka a tsheko. Go ya  ka mabaka a tsheko a a neng a balwa ke Sejane Motsholathebe, mosekisiwa o ne a ipiletsa matshwenyego  mo kgweding eno e tlhola garataro kwa motseng wa gagabo wa Mmeya.

Gatwe pele ga mosekisiwa a kgagola P100 yoo ka letsatsi leo, o ne a tlhoka kutlwisisano le mongwe e leng Badueleng Kewetse. Ga twe mosekisiwa e ne e rile go le pele a laela  Badueleng Kewetse (Mongongoregi) gore a mo rekisetse phane. Ka jalo mongongoregi o ne a tsaya  phane a ya go e rekisetsa ba lebentlele la TAPEDZA mo Mmeya mme ba mo duela ka lekgolo la  dipula (P100 yo o pataganyeng). Ga twe mongongoregi, Badueleng Kewetse, o ne a boela kwa lelwapeng mme a fitlha a neela mosekisiwa P100 yoo wa thekiso ya phane. Gatwe mosekisiwa o ne a botsa mongongoregi gore o rekisitse phane efe, a o rekisitse e e neng e le mo teng ga ntlo kgotsa e e neng e anegilwe kwa ntle ga ntlo? Foo go tlhaloswa jalo gore mongongoregi o ne a bolelela mosekisiwa gore o rekisitse phane e e neng e le mo teng ga ntlo eseng e e neng e anegilwe kwa ntle.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up