Ntso le Dimpho ba ipelela dingwaga tse some

Fa banana ba le bantsi ba tsena ka dikgoro tsa dikgotlatshekelo go fedisa manyalo a bone a dingwaga fela tse di kwa tlase ga botlhano, kgotsa ebile le yone ngwaga fela, se gase se se amang ka gope banana ba ba mo nyalong ebong Nicodimus Ntso Motsamai le Daphne Motsamai ba erileng ka Matlhatso ba bo ba phuthile matshwititshwiti a batho go ipelela dingwaga tse lesome mo nyalong.

Batsadi le bagolo ba boletse fa banana ba supile fa ba na le maikarabelo ka ba kgonne mosepele o o thata wa lenyalo.Moletlomogolo o, o ne o lebega jaaka nyalo ya ntlha ya boobabedi. Banyalani ka bobedi ba ne ba kgabile thata ka diaparo tse dintle thata. Difatlhego tsa bone le tsone di ne di bonala ka go phatsima. Menyenyo ya bone e supa fa go digela dingwaga tse di lesome mo nyalong e le sengwe se ba se itumelelang.

Mmino wa bone le one ka nako ya go ja motwane e ne ele o o tshwanang fela le wa batho ba ntse ba ikatisetsa letsatsi la bone le legolo la lenyalo ngwaga ya ntlha.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up