Nkhumo Beleme: Mosadi wa tumelo(kgaolo 2)

Ka e kile ya nna ngwana, a tshameka metshameko ya maloba, o tlotlela Naledi go re, “Rona re ne re tshameka bogolologo, re tlola dikoi, go iteiwa ka kgole fa fatshe, le bo redi, bommalebonye, go dirwa selo se nna setelele se tshosa batho. Re ne re itshamekela re le banyana re le fale, basimane le bone koo.”

Naledi e ne ya batla go itse gore dilo tsa bogologolo tse a bonang di santse di ka dirwa ke dife, mme a re,“Nnyaa, kana dilo tsa bogologolo gatwe di fetile, le Baebele ya rialo. Mme tota di ne di na le boleng. Kana bogologolo e ne ere fa ngwana a sa dire sentle a kgalemelwe. O ne a itewa. Bogologolo re ne re sa itse gore a ngwana wa mosetsana o ne a ka lala nageng a tsoge a tla kamoso go le motshegare go sa itsewe kwa a tswang teng. Re ne re sa itse gore a ngwana wa mosetsana go ka itisiwa ga bo ga robalwa go sa itsewe kwa a leng teng. Le yone redi le koi, e ne e re le phirima o bo o alela mmago, o ikalela. Re ne re tshameka mo sebateng, re sa tshamekele kgakala. Gompieno gatwe bana ba na le ditshwanelo ga ba buisiwe. Fa o raya ngwana o re o letse kae o a tenega, o ya go ipolaya. Mme ga go a siama. Ngwana o tshwanetse gore a kgalemelwe fa a sa dire sentle a bontshiwe tsela ya boammaaruri. Le o re o bua le ngwana a re o a omana. Mme rona re ne re kgalemelwa. Motho a ogole legong mo isong a go alole ka lone. Gape ga o ngale, o a tsamaya o kotama fale o lela. Gompieno ke tshupamhatelo fela. Bana ga ba rutwe sepe. Fa o raya ngwana o re nnosa, o go neela kopi a bo a tswa a tsamaya. A jaanong kopi e o ye go e baya kampo o reng? Dilo tse ga diyo gompieno,” Mme a lela ka thswanologo e a e bonang.

Mme ke seopedi se segolo, ka kopelo ya gagwe a re, “Ke ne ke le leCheche la khwaere. Le gompieno ke ntse ke a opela. lentswe la me ga le ise le nyelele thata. Le fa jaanong le tsofala, ke santse ke opela sentle fela. Re ne re rutwa ke Sefentse go opela. Jaanong ka gompieno go tlile bananyana fela mme ke ntse ke go rata thata go opela. Ke goletse kwa Lontone, le difela tsa Lontone ke di itse  fela jaaka tsa Cheche. E bile tsa Cheche ga ke di itse ka bontsi. Le ka tlhogo ke ka go opelela sefela ka bo ka se fetsa. Le fa ke le nosi ke a opela. Le fa ke reeditse radio ba opela difela, ke opela nabo.”

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up