Ngwao ya Karakubis e gasitswe phefong
Wednesday, November 25, 2015
Mo malatsing a mabedi a, batsayakarolo go tloga fela ka bagolo le banana ba ne ba supa fa motse o wa Karakubis o humile thata ka ngwao jaaka bagolo ba ne ba bolela le go tlhalosa ditso tsa Karakubis, tse ba reng banana ba gompieno ga ba di itse. Ba ne ba re ba dira jaana gore ere kamoso banana ba e setse e le bagolo ba di rute dikokomana tse di tlang kwa morago ga gone, ba gatelela fa Karakubis e le motse o o nang le letso la merafe ka go farologana.
Se go boletswe fa se dira gore baagi ba Karakubis ba bo ba bua diteme kgotsa dipuo tse di farologanyeng, mme se se sa kgoreletse ka gope go aga mmogo ka lorato le kutlwano e e kwa godimo. Mme ebile go sena bape ba ba nyatsang batho ba letso le sele.
Batswana who marched peacefully for 'Justice for Tshepi' demanded answers. They have now received a detailed account of police investigation and a promise that the file is with the Directorate of Public Prosecutions (DPP). The real test is whether the state now keeps its word without further prodding. In his address, the minister asked the nation to trust the process. He spoke of rigour, not neglect, and pointed to 10 months of...