Ngwaga o mosha kwa morakeng

No Image

BOTETI: E ne ya re ka malatsi a boitapoloso a keresemose le ngwaga o mosha, ga bo go rena boitumelo jo bogolo mo merakeng e e farologanyeng kwa kgaolong potlana ya Boteti, fa banni ba koo ba ne ba tlhabatlhaba mpa ka mutlwa ba le mo meletlong go ipela jaaka mongwe le mongwe yo o gatang ka ‘nao pedi.

Naledi e ne ya kubakuba jaaka pitse ya motsumi mo merakeng mengwe jaaka Marulamantsi, Mhisenyane, Tuutebe, Nxeekhudi, Tshwanyane, ka mabaka a go bona gore koo batho ba keteka jang malatsi a boitapoloso a mafelo a ngwaga e leng matsalo a Morena le ngwaga o mosha.

Ka nnete mo merakeng eo mmegadikgang yo o ne a fitlhela e le gore banni ba koo ba thuma mo boitumelong jo bo sitang baboledi. Melodi le megolokwane ya boitumelo e ne e lela kgaboeledi fa badisa ba leruo le beng ba lone ba ne ba amogela ngwaga o mosha wa 2016.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up