Movers e kgaupetsa Matjimenyenga

FRANCISTOWN: Setlhopha sa Selebi Phikwe sa Real Movers se se itshupileng mo setlheng se se fetileng fa ele badigamekaloba, se tsweletse ka go dira jalo jaaka se ne sa ngakalala kgatlhanong le TAFIC ka mafelo a beke a re tswang mo go one.

Movers e ne ya kgaupetsa Matjimenyenga mo motshamekong o o neng o tlola ditlhase fa bobedi jo bo ne bo kgaogana dintlha ka nno setlhopha kwa lebaleng legolo la Francistown. Ya re fela motshereganyi, Rre Keabetswe Dintwa, a letsa phala go somolodisa motshameko, Movers ya kubugela (kgomogela) TAFIC.  Mme ya re e dira jalo motshamekamorago wa Matjimenyenga, Thato Mosweu, a tshameka makgwakgwa Lesego Moiphemedi. Mme motshereganyi Dintwa a mo otlhaya ka thago ya neelano (indirect kick).

Mo thagong eo mokapotene wa Movers, Chikudza Masole, a golola thago e e mashetla e e fitlhetseng motshwaradinno wa TAFIC, Thatayaone Thandazela, a sa e solofela. Mme ya re go leka go e thibela ya mo tseisa sedidi. A seka a tshegetsa kgwele sentle mme a e phailela mo maotong a ga Moiphemedi yo ka bofefo a neng a lemoga Akanyang Akanyang a le nosi mo lebokosong la dinno tsa ga Thandazela. A seka a tlhola a shebasheba Akanyang, mme a tswapetsa kgwele motlhofo go fa setlhopha sa Movers ketelelopele.

Editor's Comment
Stakeholders must step up veggie supply

The Ministry of Agriculture, local producers, retailers, and industry associations must work together to overcome the obstacles hindering vegetable production and distribution.This collaborative approach is essential to improve the availability, quality, and affordability of vegetables in the market.Firstly, the Ministry of Agriculture should provide support and guidance to local farmers to enhance their productivity and efficiency. This could...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up