Mothusa Mogokgo o sekela go kgweetsa a nole

No Image

XERE: Ka Labone wa beke ere tswang mo go yone, mothusa mogokgo wa sekole se sepotlana sa Xere mo kgaolong potlana ya Boteti, Rre Gakelona Baratiseng (52), o ne a itshupa fa pele ga lekgotla la ditsheko ka molato wa go kgweetsa koloi a nole bojalwa ka selekanyo se se sa letlelesegeng mo molaong wa Botswana.

Baratiseng o ne a felela a baka kotsi ya tsela fa dikoloi tse pedi di ne tsa felela di wele fa gare ga motse wa Xere le Rakops, kgwedi ya Mopitlo e robabobedi ngogola. Baratiseng o ne seka a ipona molato e bile a ikemetse kwa ntle ga mmueledi.

Tsheko e ne e tsamaisiwa ke Inspector Moffat Seakonyane wa kampa ya  sepodisi sa Rakops mme ya re go tsweleleng ga yone, bosekisi jwa bitsa basupi ba le bane ba ba akaretsang batswasetlhabelo mo kotsing gammogo le mapodisi a a neng a tsibogela pego ya kotsi ba bo ba e tlhotlhomisa.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up