Mosweu o tiisa ba kirikete moko

No Image

Morago ga go romelwa kwa ntle ga motshameki wa mosadi wa kirikete, Shameelah Mosweu, ke lekgotla la metshameko la Botswana ka fa tlase ga lekala la dithuto, lekgotla la Botswana la kirikete la re le itumetse fela thata ka jaanong maduo a tiro ya lone a bonala.

Fa ba buisanya le Naledi mabapi le se, bagolwane le bakatisi ba motshameko o, ba boletse fa go isiwa dithutong kwa ntle ga Botswana ke lekgotla la metshameko la Botswana(BNSC) gaga Mosweu e tlaa nna ditso tse di tlaa nnelang ruri. Ba bua jaana ka boitumelo ba bolela fa Mosweu ele motshameki wa ntlha wa kirikete go tswa mo Botswana go rotloediwa ka madi ke lekgotla le.

Mookamela lekgotla la Botswana la kirikete, Girish Ramakrishna, o boleletse Naledi fa go sena sepe se se kileng sa tlatsa pelo ya gagwe ka boitumelo go gaisa go rotloediwa ga motshameki wa kirikete go ya dithutong kwa ntle. A re se se tlaa thusa thata go baya lefatshe leno mo mmepeng o wa kirikete, bogolo jang ka motshameki yo, Mosweu, ele naledi ya boammaaruri.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up