Monna o nyeleditswe ke dipilisi

No Image

Le fa puso e leka thata go ruta Batswana, bogolo jang banna ka bolwetse jwa HIV/AIDS go lebega go santse go le thata gore ba tlhaloganye se tota go buiwang ka sone, ka bontsi bo santse bo tsaya ditshwetso tse di hakgamatsang dinako dingwe ka ntlha ya go sa tlhaloganyeng.

Mosadi mongwe wa Bokaa, Marea Moseki a re o ne a iphitlhela a latlhegetswe ke moratiwa wa gagwe morago ga go mmona metsa dipilisi tsa madi a matona, tse rre wa gagwe a neng a ithaya a re ke tswa mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS.

Fa a bua le Naledi ka Labobedi kwa Bokaa, Moseki wa dingwaga tse 36 a re o ne a fereiwa ke lekolwane la marata go lejwa, le e rileng le tshela bosae phefong go ipala mabala a kgaka, a seka a tlhola a le diya ka go le isa kwa le kwa, mme a le amogela ka pelo e e tletseng boitumelo, bogolo jang ka a ne a ntse a huhumela dikobo a le nosi sebakanyana. Moseki a re fa lerato la bone le ntse le oketsegelwa ke malatsi, o ne a dumela gore moratiwa wa gagwe a mo jele nala kwa gabone kwa Bokaa kwa mosepele wa  go tiisa lorato o neng o tshwanetse go simolola teng ka letsatsi leo. A re bosigo ba ne ba robala jo bo monate thata bogolo jang mo go ene ka a ne a ikutlwisa go patiwa mo kamoreng e e lefifi, ditlotlo le tsone e le tse di haphegileng tsa batho ba ratana la o-kaa-swa-nka-go-ja.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up