Monna o ganetsa mohemo wa gagwe

RAKOPS: Olorato Kgakololo wa dingwaga tse 26 mo kgotleng ya Samoamba mo Rakops, o ne a thukhutha tlhogo o ka re go ka twe o tsenwe ke ntsi mo tsebeng, a ganetsa gotlhelele a re o belaela gore ga se nnete fa go twe mohemo o o itshupileng wa monkgo wa bojalwa mo mochineng wa mapodisi wa tlhatlhobo ( Breathalyser) ke wa gagwe, a re e ka tswa e le wa bangwe ba ba tlhatlhobilweng fa pele ga gagwe ka letsatsi la fa a tshwarwa.

Monna wa Rakops kwa Boteti o ne a leba jalo ka leitlho le le mosoka a bo a ganetsa mohemo wa gagwe fa pele ga lekgotla la ga Mmakaseterata la Letlhakane beke e e fetileng, a batla go itse gore pele fa a tlhatlhobiwa go ne go tlhatlhobilwe baa le kae fa pele ga gagwe. Mosekisiwa o ne a ntse disanyana fa pele ga ga Mmakaseterata Keneilwe Koobake mo tshekong e e neng e tsamaisiwa ke Inspector Mofffat Seakonyane wa sepodisi sa Botswana go tswa kampeng ya Rakops. Mosekisiwa o lebisitswe molato wa go kgweetsa koloi a nole bojalwa ka selekanyo se se sa letlelesegeng mo molaong wa Botswana. Go ya ka fa tsheko e thailweng ka teng mo kgotleng, mosekisiwa o ipileditse matshwenyego mo kgweding eno e le masome mabedi le bosupa mono ngwaga. Ga twe ka letsatsi la tiragalo o ne a kgweetsa koloi ya modiro wa MAHINDRA, B 930 ARJ mo Rakops.

Ga twe o ne a wela mapodisi fa sekganeding sa tsela mme ya re fa ba mo atumela ba kgatlhantshiwa ke monkgo wa bojalwa mme ba belaela gore o nole bojalwa a kgweetsa. Ka jalo ba felela ba mo isitse kwa kampeng go mo tlhatlhoba mme ga fitlhwelwa a nole bojalwa ka selekanyo se se fetileng se se letlelesegang; gatwe o ne a nole ka selekanyo sa 1.07 mg/L fa molao one o letla 0.22 mg/L. Morago ga seo mosekisiwa o ne a tlhagisiwa, a lebisiwa molato a bo a gogelwa lekgotleng go o arabela. Ka letsatsi la tsheko ba bosekise ba ne ba bitsa basupi ba le bane ba ba akaretsang motlhotlhomisi wa kgang le baitseanape ba kwa matlhatlhobelong a sepodisi go fa bosupi kgatlhanong le mosekisiwa. Le fa mosekisiwa a sa ipona molato, fela o paletswe gotlhelele ke go thamathamisa basupi ka dipotso.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up