Monalebogole yo o Pelokgale � Solly Obert

Solly Obert
Solly Obert

PALAPYE: Solly Obert, ke lekau la monalebogole la dingwaga tse di masome a mararo le botlhano (35), le le tlholegang kwa motseng wa Nshakashogwe, mme le bolela fa le ikiteilesehuba go fitlhelela tsotlhe tse a eletsang go di dira mo lefatsheng, ntle le kgwetlho ya go nna le bogole jwa go tlhoka pono.

Mabapi le tsa lolwapa, Solly ke ke ngwana wa boraro wa ga Rre Baudi le Mme Chawada Obert a tshotswe jalo a sa bone.  Obert, o na le bokgoni jo batho bale bantsi ba ba itekanetseng ba senang jone, mme a tshela jaana ele morutegi yoo ithutetseng a ba a falola sentle ka digarata tsa dithuto tsa go tsamaisa kgwebo (Business Management) kwa Limkonkwing kwa Gaborone, ka ngwaga wa 2014. O ipapanne gape ka setlankana sa moopelo le sa tlhokomelo ya dibuka tsa kgwebo le madi (bookkeeping and accounting), le sa bokwaledi, tse a di dirileng kwa sekolong sa banalebogole sa Pudulogong kwa Mochudi.  Solly gape ke seopedi, mokwadi wa dipolelo, morotloetsi le mokanoki wa merero ya kgwele ya dinao kana commentator ka sekgoa.

Go batlisisa thata ka botshelo jwa ga Solly, Naledi e ne ya mo etela kwa a direlang teng kwa khanseleng potlana ya Mahalapye, mme ya lemoga fa a direla kwa lephateng la taolo le tsamaiso  dikgwebo kana Commercial Department ka sekgoa, mme a dira jaana ele Assistant Commercial Officer. Le mororo e le motlhokapono, Solly ke ene a ikgatlhantshetsang baeng ba gagwe fela fa o kokota ka lebati la ofisi ya gagwe. “Setilo ke seo mme,” a rialo modirelapuso yo o tlhaga e bile a le boineelo, Solly Obert. Ya re go tlotleng ga gagwe, ntswa gone go sena bao ba ba tlhokang thuso ka nako ya potsolotso, Solly a boletse fa a tshotswe a siame fela le fa gone a ne a nne a tshwenngwe ke matlho fa a sale mmotlana. A re e ne yare a dira lokwalo la bosupa kwa sekolong se se botlana sa Phatsimo kwa Francistown, a latlhegelwa ke pono gotlhelele. “Ke gone ka simolola go tshela botshelo jo bo pharologanyo jwa botlhoka pono,” Obert a tlhalosa jalo ka lentswe le le bonolo.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up