Molelo wa kgolagano o raletse Kgatleng

Mopalamente Gilbert Mangole a amogela molelo wa kgolagano
Mopalamente Gilbert Mangole a amogela molelo wa kgolagano

Molelo wa Kgolagano o o tsweletseng le go ralala lefatshe la Botswana go simolola ngwaga e e fetileng kgwedi ya Lwetse e le malatsi a le 30, o setse o peperetla go ralala kgaolo ya Kgatleng morago ga go goroga teng ka Matlhatso a beke e e fetileng.

Bakgatla ba o tshologela ka dipalo tse di kwa godimo thata go supa fa le bone ba tlhalogaya botlhokwa jwa one, le go ipelela dingwaga tse di masome matlhano tsa boipuso. Molelo o o goroga kwa motseng wa Malolwane gompieno go simolola leeto la one kwa metseng ya noka.Baagi ba Artesia mo kgaolong ya botlhophi ya Mochudi Bophirima, ba ne ba tsogela mo mekgwatlheng le go ya kwa kgotleng ya motse wa bone go ya go amogela molelo o wa kgolagano, le bagolo ba baeng ba ba neng ba tla ka one. Le fa go kile ga nna dipuo tsa matshosetsi mabapi le go ngala molelo ga morafe wa Bakgatla, se gase aka sa bonala sentle kwa Artesia le metse yotlhe e molelo o o setseng o e tsene, go lala le go feta mo go yone.

Fa a amogela molelo, kgosi ya Artesia le Leshibitse, Kgosi George Thwane, o ne a bolela fa go le botlhokwa thata gore Motswana mongwe le mongwe a ikamanye le one. A re o itumela le go leboga thata go bona morafe wa gagwe o tshologetse ka dipalo tse dintsi go le kana. A re se ke gone go supa fa ba tlhaloganya se tota molelo o o se kayang.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up