Mmegadikgang o tshosediwa go thubetswa

Mapodisi le Badisamagolegwa ba netefatsa gore mosekiwa yo a neng a tshosetsa mmegadikgang wa Naledi o khinnwe mo koloing. PIC. Zolani kraai
Mapodisi le Badisamagolegwa ba netefatsa gore mosekiwa yo a neng a tshosetsa mmegadikgang wa Naledi o khinnwe mo koloing. PIC. Zolani kraai

LETLHAKANE: Mmegadikgang wa lokwalodikgang lwa Naledi, Edward Pekenene, o ne a bona go se gontle bosheng, morago ga gore a falole titeo ka tshoba la mogodu a bo a tshosediwe botshelo ka tlhoafalo, go twe fa go ka rakanwa nae o tlaa betswa setlhogo a bo a thubediwa ke rre mongwe yo a leng mmelaelwa mo tshekong ya bogodu.

Go tshosediwa moo, godiragetse kwa lekgotleng la ga mmakaseterata lwa Letlhakane. E ne e rile go le pele ka letsatsi leo, babelaelwa mo ditshekong ka go farologana ga tsone ba itshupa mo lekgotleng, mme ya re morago ga seo babelaelwa bangwe ba ba neng ba sa letlelelwa go emela tsheko kwa ntle ba simolola go tsena mo dikoloing tsa mapodisi ka go farologana ga tsone. Ka bofefo jwa logadima go ne ga tsoga tlhatlharuane ope a sa solofela; mmelaelwa a ne a s5hakgetse, a kobakoba Pekenene ka maikaelelo a go mo tshwara ka tse di  jang bogobe.

Pekenene o ne a tshwara bothata jo bo seng kana ka sepe, ka e bile fa a ntse a sia jalo o ne a kgopiwa a wa, a bo a menagana jaaka thipa ya mokopelo; ya re fa mosekisiwa a re o mo raga ka setlhako a emelela ka bofefo mme badiri ba lephata la dikgolegelo gammogo le mapodisi ba kgona go mo sireletsa. Ka nako eo, batho ba ba neng ba lebeletse ba ne ba a ja monate ba tshega fa ba utlwa rre wa mosekisiwa a  tlhapatsa mmegadikgang yoo, yo ene ka nako eo a neng a tsweletse a tsaya ditshwantsho go tsweledisa tiro ya gagwe. Morago ga gore mosekisiwa a tike buka e a neng a e tshwere mme ya betsa mmegadikgang mo molomong gore a bo a itome pounama ya tlase, badiri ba lephata la dikgolegelo bane tshwara rre yoo ka bofefo ba bo ba mo latlhela mo koloing.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up