Mclean o fentse Sebego kwa Kgatleng

Phuthego ya lekgotla la Kgatleng la motshameko wa kgwele ya dinao, e e ntseng e gana go wela ka ditlhopho makgetho a le mmalwa, e ne ya wela ka Sontaga jaaka gone go tshwerwe bokopano jwa bofelo kwa sekoleng sa ithutelo tiro ya diatla sa Oodi College of Applied Arts and Technology.

Bokopano jo bo ne jwa kgaogana morago ga go busediwa gape ga maloko otlhe a komiti e e ntseng e tsamaisa kgaolo e ka boeteledipele jwa ga Clifford Mogomotsi.

Fa phuthego e simolola, go ne ga bolela fa le letsatsi e le la go tshwara ditlhopho fela, eseng sepe gape ka bontsi jwa dikgang tsa phuthegokgolo tsone di sa le di tshwerwe fela mo bokopanong jwa ntlha kgwedi tse pedi tse di fetileng. Ka go neng ga rolwa dipego tsa modulasetilo wa lekgotla, pego ya mokwaledi le ya mo tshola madi ka go latelana ga tsone, mme ka ntlha ya tlhoka tumalano ka gore a ke go tshwarwe ditlhopho kgotsa nyaaa, maloko a hapaana ka mafoko.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up