Masisi o phophotha ba kganetso

Mapalamente a kganetso
Mapalamente a kganetso

Mothusa tautona, Mokgweetsi Masisi a re mapalamente a kganetso a tshwanetse a akgolelwe boitshwaro jo bontle le boemedi jwa popota fa ba le kwa ntle ga lefatshe leno ka ditiro tsa puso.

Masisi o rotse mafoko a kwa palamenteng bosheng fa a ne a akgela mo kopong ya madi a Lephata la Merero ya mafatshe a Sele le Tirisanyo mmogo ka Ngaka Pelonomi Venson-Moitoi.  Masisi a re mapalamente a kganetso ba tshwanetse ba lebogelwe mowa o montle wa bone wa go eteletsa dikeletso tsa lefatshe leno pele, gona le tsa bone kana tsa diphathi tsa bone. Mothusa tautona a re seemo se ba kganetso ba itshwarang ka sone fa ba le mo ditirong tsa puso kwa mafatsheng a sele o ka tloga wa re ga gona kganetso kwa lefatsheng la Botswana. O tsweletse ka gore se ke sesupo sa gore ditshetlana tsa lefatshe leno tsa tirisanyo mmogo le mafatshe a sele (Foreign Policy) di a bereka. 

Masisi a re ditshetlana tse ke sesupo sa gore e re ntswa gona le dipharologano ka megopolo ya sepolotiki, mme fela gona le tshwaragano magareng ga baeteledipe go direla lefatshe leno. Masisi a re ba kganetso ba kgona go ntsha maikutlo a bone ntle le poifo ele sesupo sa gore gona le kgololesego mo lefatsheng leno.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up