Maina a a biditswe ke mang?

Ditlhopha tsa motshameko wa kgwele ya dinao tsa lefatshe la Botswana fela jaaka tsa mafatshe a sele, di na le maina a mantle thata a barati le balatedi ba tsone ba di reteng kgotsa go di boka ka one, mo ka Setswana gotwe ng ke maina mafatshwa. Gantsi go jesa monate thata fa setlhopha se dira sentle mo lebaleng go utlwa balatedi ba sone ba se kua go se neela kemonokeng ka tiriso ya maina. Mmega-dikgang wa Naledi TEICHLER RANKOA a re ditlhopha di bitswa bo Popapopa, Mapalastina, Magosi Maapaa Nkwe, Moyagoleele, Mapantsula, Guna Guna, Matebele a mantsho, Majombolo, Mamoja Diski, Rock of Ages, le a mangwe fela jalo. Mme go sena motho ope yo o batlang go itse gore maina a tota a tswa kae, a biditswe ke mang, go ne reng

Mo dingwageng di le dintsi thata tse di ntseng di feta, motshameko wa kgwele ya dinao mo lefatsheng la Botswana, o supile kgolo e e itumedisang, jaaka ditlhopha di ntse di lwela bosimega jwa dikgaisano ka go farologana ga tsone. Le yone tlhwatlhwa e e lwelwang ya madi e le e e botoka ka e setse e tshwara didikadike tsa dipula.

Fa ditlhopha di ntse di lwa jaana, barati le balatedi ba tsone ba ikgantsha thata ka tiro e ntle e ditlhopha tsa tsone di e ba direlang, ke seo bontsi jwa sebaka go utlwalang maina a ditlhopha tse a a di retang, jaaka kwa Township Rollers gantsi go utlwala thata leina la PopaPopa kgotsa Mapalastina. Fa o utlwa balatedi ba Rollers ba bitsa maina a, o itse fela sentle gore e a bo e letsa moretlwa go utlwala mo go tse dingwe, bogolo jang diselammapa tsa kgwele ya dinao ya Botswana.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up