Magotswana a tshuba batho ka motlakase wa diphologolo
Wednesday, December 09, 2015
Mo puisanyong le Naledi ka Sontaga kwa Tlokweng, banna ba le bararo ba boletse fa ba ka se tlhole ba lebala moso wa Matlhatso, ka erile fela ka nako ya botlhano mo mosong ba le mo tseleng go ya kwa lefelong la leokwane la Engen ba kopana le bashimanyana ba le bane, ba ba ileng ba ba tlhasela botlhoko. Banna ba, ba re basimanyana ba, ba ne ba itira jaaka okare ba hapaana fela le bone, mme ba ba tlhasela ka ditoche tsa motlakase wa diphogologolo, o o idibatsang pele ga ba ba tseela difounu le madi.
Go ya ka Kgotso Mogotsi, basimanyana ba ba ne ba sa supe bodiphatsa bope, mme ebile ba le ba botlana thata mo go bone. Fela, a hakgamala thata go bona fa ba retologela mo go bone yo mongwe a wa jaaka okare o thuntshitswe ka tlhobolo kgotsa o iteilwe ka legadima. Mogotsi a re fa a santse a ipotsa gore tota e le gore tsala ya bone e iteilwe ka eng, a bona basimanyana ba ba ba supa ka sengwe se lesedi le bohibidu kwa tlhogong, mme ba tla kwa go yo mongwe ba mo kgoma ka toche e. Fela jalo le ene a wela fa fatshe. Fa a tshwerwe ke kgakge a ipona le ene a setse a le fa fatshe a sa itse gore go tsile jang. Fa basimanyana ba ba sena go tsaya madi le difounu mo go bone ba tsamaya, ka erile morago ga sebakanyana ba thanya mo maibing ba fitlhela ba seyo foo. “Rona jaanong re ne rele mo sediding fela se se sa tlhaloganyesegeng gotlhelele. Fa re thanya re fitlhetse ba seyo ba ile ka madi le difounu tsa rona, mme ebile mmata wa rona yo mongwe ene a na le phatlha e e bakilweng ke ditshipi tse tsa motlakase,” a tlhalosa jalo mmonadilo Mogotsi. Moremi Lesetedi ene a re o ne a tshoga thata go bona tsala ya bone e wa fela botlhoko. A re o ne a belaela gore basimanyana ba, ba tshotse sengwe se se borai, morago a bona fa e le ditoche tsa diphologolo, bogolo jang dikgomo le ditonki fa di pegiwa mo dikoloing kgotsa di tsenngwa mo mogotlheng. A re o ne a kgaoga pelo thata ka a itse fa di dirisa motlakase fela o montsi thata wa selekanyo sa 250mw. Lesetedi a re le fa ba ne ba babalelwa ke motlakase ka boraro, ene le Mogotsi ba ne ba seka ba gobala thata. Mme fa e le tsala ya bone, Pule Letsatsi, ene a amegile thata ka ebile ba mo tlogetse ka phatlha mo dimpeng. Fela, banna ba ba ile ba itlhokomolosa botlhokwa jwa go begela mapodise kgang e, ka erile Naledi e bua le mapodise a Tlokweng ba bolela fa gose ope yo o ba begetseng ka yone. Motse wa Tlokweng o ntse o tlhasetswe thata ke dirukutlhi tse di ipitsang Boko Haram, tse gotweng di tswa kwa Sotoma, mme jaanong Batlokwa ba tshelela mo poifong ka dirukutlhi tse di gasame le motse otlhe.
We duly congratulate them to have ousted the long ruling Botswana Democratic Party (BDP) from power. Prior to taking power from the BDP, the coalition had made several election promises that are credited for influencing change and swaying the people to vote in its favour.The party had made an undertaking, which its leader and President Duma Boko consistently bellowed in his campaign trail. These undertakings were promises that Batswana would be...