MaDomi ba jesa Boko dipodi

No Image

Go nna morati le molatedi wa setlhopha, kgotsa phathi ke tiro e e dingalo. Go bonala sentle gore e batla motho yoo pelo e thata, a akanya ka bofefo, ebile a na le matlho a a bonang se ba bangwe ba sa se boneng. Mmegadikgang wa Naledi TEICHLER RANKOA o tlhodumela maikutlo a bangwe morago ga ditlhopho tsa poeletso tsa bokhanselara tsa kgaolwana ya Sekoma.

Morago ga ditlhopho tsa Sekoma, metswedi ya ditlhaeletsanyo e ne ya tlala ka dipuo, bogolo jang tsa maDomi ba itumeletse phenyo ya phathi ya bone. Bangwe ba dirisa le tsone dinepe go sotla  kganetso(sekhukhu) le bogogi jwa sone, jaaka setshwantsho sa dipodi di eja tautona Duma Boko.

Pele ga go iwa ditlhophong tsa poeletso tsa kgaolwana ya Sekoma, e e ntseng ele mo diatleng tsa phathi ya kganetso ya Puo-Phaa(BNF) ka Matlhatso, go ne go sisibetse thata, go sa tlhaloganyesege gore e ya go gapiwa ke ba fe. Fela, metswedi ya dikgang, morago ga go utlwalela fa phathi e nngwe ya kganetso ya Mogobagoba(BCP) e dumetse go gata mmogo le tsa sekhukhu(UDC), e ne ya neela sekhukhu letsogwana le le fa godimo.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up