Mabole a ngoka bontsi � Maragana

No Image

Motshameko wa mabole o tsweletse ka go gola le go ngoka batshameki le babogedi ka dipalo tse di tlhatswang pelo, mo jaanong lekgotla la Botswana la mabole(BoBA) le dumelang gore tema e ba e segang e ntse e a bonala. Se se tlisa tsholofelo ya gore ngwaga mongwe mabole a tlaa bo a di goga kwa tlhogong mo lefatsheng leno.

Morago ga go dumalana gore BoBA  e leke ka bojotlhe go isa mabole kwa Batswaneng, go sa kgathelesege gore ba bokgakala bo kae, dingwaga fela di le mmalwa, mabole a setse a gorogile kwa mafelong a a kgakala le ditoropo. Moanamisa mafoko wa BoBA, Kenney Maragana, a re erile fa ba tsena mo boeteledipeleng jwa lekgotla le, moeteledipele wa lone Thato Patlakwe, a bolela fa go le botlhokwa gore mabole a ntshiwe mo ditoropong go ya kwa dikgaolong tse di kgakala. A re o ne a bolela gore motshameko o, ke o o pharologanyo ka mongwe le mongwe a ka kgona go o tshameka ntle le bothata bope jaaka e mengwe. Maragana a re mme le bone e le maloko a komiti le bakatisi, ba ne ba tsaya mafoko a a ga Patlakwe ka diatla tsoopedi. Mme ba ralala Botswana go ngoka Batswana botlhe ba ba eletsang go tsena mo motshamekong o.

A re gore go nne bonolo, ba ne ba bona go le botlhokwa go simolodisa ditlhopha tsa kwa dikgaolong, ka se se ne se tla a neela banni ba dikgaolo le metse sebaka sa go inaakanya le one kwa ba leng teng. A re ba ne ba dira jaana ka go bo go ne go se bonolo gore bangwe ba ka tswa bokgaleng go ya ikatisong ya mabole kwa ditoropong ka go le kgakala, ebile le madi a dipalamo a le thata go bonwa.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up