Liki ya CELIAT e tsamaile sentle � Motswagole

Motswagole
Motswagole

Erile liki ya thenese ya CELIAT e simolola ngwaga e e fetileng Naledi ya bolela fa ntwa e tlaa nna thata ka motshameki mongwe le mongwe a batla go ya gae ka bosimega. Mme go tlaa nna thata mo ditshimegeng tsa pele, Bonolo Mabote mo go banning, le Maitshwarelo Butale, ka fa basading.

Liki e, e ne ya dirwa thata ke gore motshameki yo mongwe wa monna yo o diphatsa ebile a tshwenya Mabote, Thobo Matlhatsi, a ne a supa fa tla a menne phatla go lwa jaaka poo ya nare e golafaditswe ke sekopa sa mohudi (mothuntshi). Go mena phatla mo ga gagwe, go ne go supa sentle gore ga a kake a dumela gore Mabote a itirele se a se ratang ka ene mo ntweng e ya CELIAT.

Go ne ga nna fela jalo ka Mabote o ne a ipona a retelelwa ke go sireletsa korone ya gagwe kgatlhanong le Matlhatsi, yoo neng a sa batle go tlogela ntlha epe kwa morago, eleng seo a feletseng e le ene tshimega ya monongwaga ya banna.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up