Letshwiti o rera kago ya mabala

No Image

Tautona wa Lekgotla la kgwele ya dinao mo Botswana (BFA), MacLean Letshwiti a re nako ya gore puso ya lefatshe leno, e tlhwaafalele go tlhabolola le go aga mabala a kgwele ya dinao mo dikgaolwaneng tsa di toropo le metse selegae, e gorogile.

Letshwiti o buile jaana bosheng morago ga motshameko wa Sharps Shooting Stars le Modipane United. O boletse fa a sa dumelane le kgang ya gore ga go na lefatshe, le ko mabala a ka agiwang kana a tlhabololelwang teng.

“Lefatshe le teng, ke gore fela re le akanyetsa ditiro di sele, re lebale kgwele ya dinao. Ga ke reye gore ditiro dingwe tsa ditlhabololo ga di botlhokwa, mme go tlhabolola kana go aga mabala, go ka tlhamela baithaopi ditiro mme e bile tatedi ya kgwele ya dinao e ka gola, gone kwa di kgaolwaneng tseo,” Letshwiti a tlhalosa jalo.

Editor's Comment
Stakeholders must step up veggie supply

The Ministry of Agriculture, local producers, retailers, and industry associations must work together to overcome the obstacles hindering vegetable production and distribution.This collaborative approach is essential to improve the availability, quality, and affordability of vegetables in the market.Firstly, the Ministry of Agriculture should provide support and guidance to local farmers to enhance their productivity and efficiency. This could...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up