Lefatshe le rontshitswe Muhammad Ali

Muhammad Ali
Muhammad Ali

E a re fa Motswana a iketlile a batla go bua Setswana se se nonneng, a re ‘kgaka e ntsho fa e fofa, mebala ya yone e bonala e sule,’ se ke sone se se diragalang mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi, ka dintlenyane tsa motho di buiwa thata a sena go swa. Se ke sone se lefatshe lotlhe le se dumelang ka ramabole wa pele Muhammad Ali botshelo jwa gagwe bo tsatsankiwa thata mo losong la gagwe.

Le fa bontsi jwa batho ba itse thata ka ramabole yo, bogolo jang ka fa a neng a dira ka teng ga setse a le mo mosakong a lebagane le yo a lwang le ene, ga go sepe se sentsi se se ntseng se buiwa ka ene go lemotsha batho ka ga ene. Jaaka a ne a kaiwa thata ka go bina jaaka serurubele, go loma a loma botlhoko jaaka notshi, se ke sone fela se barati le balatedi ba gagwe ba ntseng ba se itse ka ene botshelo jotlhe jwa gagwe.

Ka jaanong a sa tlhole a le mo botshelong, lefatshe le simolotse go utlwa dikarolo tse dingwe tse di pharologanyo ka mogaka le sekgantshwane se sa mabole, dingwe e le tse di bolelang gore e ne e le motho yo o lebole thata. Gatwe e ne e se motho yo o maikgantsho, ebile a rata thata go thusa bao botlhe ba kopang thuso ya gagwe, mo godimo ga se o ne a rata go bona ba bangwe le bone ba tswelela mo matshelong a bone.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up