Lebenkele la Spar le agile letangwana

Bagogi ba sekolo se se potlana sa Mokane le bagolwane ba lebenkele la Spar
Bagogi ba sekolo se se potlana sa Mokane le bagolwane ba lebenkele la Spar

LETLHAKANE: E rile ka Labone wa beke e e fetileng, sekole se sepotlana sa Mokane kwa motseng wa Letlhakane mo kgaolong potlana ya Boteti, sa abelwa letangwana le le ka dirisiwang ke baithuti ba koo, go nosetsa tsotlhe tse ba di lemang fa ba itebagantse le thuto ya temothuo.

Go latswiwa ke tlhware ga baithuti le barutabana ba Mokane kwa Letlhakane, go diragetse fa ba ne ba ithaopelwa ke marekisetso a magolo a Spar a Letlhakane, ka go ba agela letangwana gaufi le lefelo le ba lemelang mo go lone. Letangwana leo, le abilwe ke mothusa mookamedi wa marekisetso a Letlhakane Spar, Rre Godfrey Ralokwae, a patilwe ke bangwe badiri ka ene. Pele ga a aba letangwana leo, Ralokwae, a tlhalosa go re marekisetso a Spar a na le maikemisetso le keletso ya go thusa Batswana ka ditsela tse di farologaneng go tokafatsa matshelo a bone. A re morago ga go lemoga gore baithuti ba thuto ya temothuo kwa Mokane ba tlhoka didirisiwa tsa go nosetsa e bile pompo ya bone ele kgakala le lefelo le ba lemelang kwa go lone, e le ba Letlhakane Spar ba ne ba tsaya tshwetso ya go ba agela letangwana gammogo le go ba rekela diemetshana tsa nosetso. Ralokwae o tsweletse a bolelela gore tiro e e atlegile ka ntlha ya gore ba ne ba a ja tlhogo, ba kokoanya madi ka ditsela tse di farologaneng mme kgabagare maikaelelo a bone atlega. O tlhalositse ka boipelo gore ba dirisitse madi a a kana ka dikete tse nne (P4000.00) go aga letangwana leo, a tlatsa ka gore o na le tsholofelo ya gore le tlaa sologela baithuti ba Mokane molemo. A re e le ba Spar ba tlaa leka bojotlhe go ruta baithuti ba Mokane go itse go dirisa metsi ka kelelelo. A re ga se la ntlha ba dira tiro ya kutlwelobotlhoko, ka ba kile ba agela mosadimogolo mongwe wa kgotla ya Mokgobelele ntlwana ya boithomelo.

E rile fa a latlhela la gagwe ka letsatsi leo, Mokhanselara wa kgaolwana ya Letlhakane Bophirima, Mme Thato Modirwagale, a kopa baithuti ba sekole seo gore ba somarele mpho eo. O tsweletse a gwetlha baithuti gore ba tlhagafalele thuto ka e le yone fela peo ya bokamoso. A re go a itumedisa go bona marekisetso a Spar a na le kgatlhego ya go tsenya diatla mo mererong ya thuto mo lefatsheng leno. Mokhanselara Modirwagale a re e le ruri seo ke sone se se batliwang ke puso ya Botswana.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up