Kirikete e atla ba-na-le-bogole

Lekgotla la motshameko wa kirikete la Botswana le tsweletse ka go isa motshameko o kwa Batswaneng, go akaretsa le bone ba ba kwa metseng le dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo, mo godimoo ga se mogolwane wa lekgotla le, Girish Ramakrishna a re ba simolotse lenaneo la go akaretsa ba-na-le-bogole.

Ramakrishna o boleletse Naledi mo puisanong fa ba setse ba fitlheletse maikaelelo a bone a dingwaga tse di fetileng a go isa kirikete kwa Batswaneng, bogolo jang mo dikoleng tse dipotlana kwa a reng ba setse ba na le batshameki ba le ba ntsi thata. A re bangwe ba bone ba setse ebile ba bidiwa mo ditlhopheng tsa setshaba go ya ka go farologana ga dingwaga tsa bone, a tlhalosa fa se e le go supa sentle ga BCA e semeletse sentle.

Ka jaanong BCA e setse e apesitse dirile go le gontsi mo go ruteng Batswana ka motshameko wa bone, go tloga fela ka batshameki, batsamaisi le balaodi ba one, ba bona go le botlhokwa gore ba simolole lenaneo le lesha la go tswelela ba ruta Batswana kirikete. Lenaneo le, Ramakrishna a re ke le le amang ba-na-le bogole ba le bone a re go botlhokwa thata gore le bone ba tsene mo motshamekong o, o a reng le kwa mafatsheng a mangwe go dirwa jalo.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up