Kgosi Michael Maforaga: Motlhanka o o boineelo

Kgosi Michael Maforaga
Kgosi Michael Maforaga

PALAPYE: Fa re tlhodumela thata mo ditsong tsa lefatshe leno, re itlotlomatsa ka go senola seabe sa bodirela puso jwa dingwaga tsa maloba moragonyana fela ga lefatshe leno le simolola go ipusa, sa fenya dikgwetlho dile dintsi tsa go aga lefatshe leno, fela jaaka goromente wa nako eo, a ne a simololela ka itsholelo e e mo legoeleleng.

Ka jalo, badirelapuso le bone bane ba ikana ka nako ya ba hirwa gore ba tla lepalepana le manokonoko a dikgwetlho tsa go aga lefatshe leno ka itsholelo e goneng go sena ope yo aneng a ka kwalela gae ka yone. Bangwe ba bone ba ne ba itlama go aga le go tlhabolola lefatshe leno m61me mongwe wa bone e ne ya nna Michael Maforaga, yo gompieno eleng mothusa Kgosi kwa Palapye.

Kgosi Maforaga, yo jaanong a leng dingwaga di masome a supa le boraro (73), ke mongwe wa badirelapuso ba maloba ba ba diretseng lefatshe leno ka botlhaga, boineelo, bonokopila le botswapelo. 

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up