Kgori nonyane ya magosi

No Image

Gareng ga dinonyane tse di fofang kgori ke letlhankgole kana re kare ke emaoditlhole, ka e godile go di feta tsotlhe. E kgona go tshwara boleele jwa 150 cm (1.5m). Diphuka tsa yone di kgona go fitlha mo go 250 cm (2.5m) fa e di tlhapholotse e fofa.

Mo godimo ga boleele kgori gape ke setiammele ka ele bokete go di feta tsotlhe! Kgori e tonanyana ee godileng sentle e kgona go nna bokete ja dikhilokerama tse 19 (19kg). Kgori e na le menwana e le meraro ya maoto. Se se e thusa go itshesela mo mmung fa e taboga. Kgori e tonanyana le e namagadi di tshwana ka mmala. Pharologanyo e nne fela gore e namagadi e tshesane ebile khutshwane. Le fa Kgori e ka tswa e le mmampodi gareng ga dinonyane tse di fofang, e bowa kgakala mo go moremogolong wa dinonyane ebong Ntshe. Ke tsaya gore lo a itse gore Ntshe o bokete thata go ka fofa!

Kgori e borokwa jo bo yang kwa botubeng bo na le matlhasedi a bontsho le bosweu. E bonwa mo kgaolong ya borwa jwa Aferika mo mafelong aa bulegileng a maboana le ditlhare tse di boutsana tsa mo dikakeng. Mo Botswana kgori e bonwa kwa mafelong a dikaka jaaka Central Kgalagadi Game Reserve (CKGR) le Kgalagadi Transfrontier Park (KTP) le ka boutsana mo mafelong a mangwe aa seng sekaka thata. Kgori e tswa goolowe le Batswana jaaka go bonala le mo dianeng le mainaneng. Ke nonyane ee kgethegileng e nama ya yone e jewang ke  magosi le marena ka ele monate fela thata. Batswana ba dumela gore ga e jewejewe fela ke mongwe le mongwe ka e ka mo direla mathata fa a sa e rebolelwa.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up