Kgaisano e re rutile sengwe � Lebotse- Sebego

Tebogo Lebotse - Sebego
Tebogo Lebotse - Sebego

Moeteledipele wa lekgotla la Botswana la motshameko wa Bolotlowa, Tebego Lebotse Sebego a re le fa lefatshe la Botswana le sa dira sentle mo kgaisanong basetsana ba dingwaga tse di ka fa tlase ga masome mabedi le bongwe e e fetileng ka mafelo a beke, gone mme ba ithutile go le gontsi mo go yone kgaisanyo e.

Sebego a re gone le fa gantsi kgaisano nngwe le nngwe motsaya karolo a tshwanetse go fenya, ga go reye gore ga o sa fenya ga gona maduo a motho a ka ipelang ka one, jaaka go ithuta mo se se ntseng se diragala, eleng seo a dumelang gore bone jaaka lekgotla le lefatshe la Botswana ba itumelela se ba neng ba se bona fa kgaisanyo e ntse e tsweletse.

A re kgaisanyo e, e ne e tsenwe ke mafatshe a a setseng a itshupile jaaka mekaloba ya bolotlowa mo kgaolong ya Aferika, a afa sekai ka mafatshe a tshwana le Uganda, Zimbabwe le Aferika Borwa, a a reng ke one a Botswana e ithuang go le gontsi mo go one. A re go ne go itumedisa thata go bona basetsana ba Botswana ba tlhwaafaletse go nkgisana magwafa le dinatla tsa mafatshe one a, bogolo jang ka ba sa le ba botlana.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up