Kabelo o tlhorontsha bomogolowe

No Image

Lefatshe la Botswana le tsweletse ka go ntsha dinaledi mo metshamekong ka go farologana, mo dingwe tsa tsone di tsweletseng ka go phatsima mo dikgaisanong ka go farologana ga tsone, mme gareng ga mtshemeko e e tsweletseng ka go ntsha dinaledi ke wa Mabole(BoBA).

Naletsana e ntsha e ya mabole ke mosimanyana Kabelo Bagwasi yo o itayang lebole go utlwala, mo jaanong a setseng a tlhorontsha le bomogolowe tota, o ne lebilwe ngwaga ee fetileng jaaka a ne a phothakaka batshameki ka ene.Barati le balatedi ba motshameko wa mabole, ba dumela gore ga gona jaaka ba ka bua ka mabole ba tlhoka go bua ka Kabelo Bagwasi, mme ebile ka se bue ka Kabelo Bagwasi ba tlogela mabole, ka bobedi jo e le monwana le lenala.

Mosimanyana o wa ramabole, fa motho a mo leba pele a palama serala kgotsa mosako go tsena mo ntweng, a ka gopola fela gore ke mongwe wa bashianyana fela ba ba tsileng go ijesa monate ka go lebelela boramabole le bommamabole ba nkgisana magwafa. Le fa leina la gagwe le bidiwa go palama serala, o tsena fela go sena ope yo o sa mo itseng yo o ka gopolang gore o letsa lebole go utlwala, bogolo jang ka a le mokhutshwanyane thata, sefatlhego se tlhontse okare o tshogile thata. Fela ga molaola motshameko a re, phothanang borra, Kabelo Bagwasi o tloga fela a ntse a supa gore ene ga a tshameke, tsile ntweng go tswa ka phenyo, o tlhomamisa gore o itaya lebole le le bothitho le le bofefo, a relela a sa tswa go relela go tila mabole a yo o lwang le ene. O dira jaana ka bokgabane jo bo hakgamatsang, ebile a se na sepe gore o thulane le motho wa boleele le bokima jo bo kae, sa gagwe e le go supa se a leng sone fela. Ramobole yo, o sa le fela a tsena mo mosakong go lwa a sa le mmotlana, mme a supa talente e e kwa godimo thata, a nna ya godimo go fitlha e nna naledi ya Botswana ya mabole a basimanyana ba dingwaga tse di kwa tlase. Ka ntlha ya se, a tswelela ka go fenya dintwa tsa gagwe di le di ntsi thata, a emela lefatshe la Botswana mo dintweng ka go farologana, molala wa gagwe wa kgaba ka dietsele tsa metale, fa tafole ya gagwe yone e tlala ka dikopi tse dintsi tse a di fentseng. Ka jaanong Kabelo Bagwasi a se na molekane, ka balekane ba gagwe a ba sutisa mo tseleng bonolo, lekgotla la BoBA le ne la bona go le  botoka gore a ne a lebagana le ba ba golwane, kgotsa bo mogolowe gore a kgone go bona dintwa tse di thata. Fa le gone mo ene ga se sepe, ka le bone bomogolowe o ne a  tswelela ka go ba tlhorontsha mo mosakong, a ba itaya la molema la moja go ba tlhobosa, se a reng se a mo itumedisa ka se mo dira ramabole yo o mashetla go gaisa.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up