Heelang, a monate wa paseka banna!

Malatsi a paseka ya monongwaga e ne e le a a pharologanyo mo go a dingwaga tse di ntseng di feta, ka Batswana ba ne ba a ipelela mo boidiiding jwa metsi morago ga gore beke pele ga a goroga go gosomane dipula tse dintsi go ralala lefatshe lotlhe la Botswana, fa ka fa go le lengwe letlhakore kgwedi le yone e bo e fedile go amogetswe go ntsha letshono le le ntseng le tlhorontsha Batswana. Bontsi ke jo bo reng Heelang a monate wa paseka banna!

Erile mesepele e meleele ya malatsi a e wela, Batswana ba ikgata metlhala go boela kwa ba nnang teng ka ntlha ya ditiro tsa letsatsi le letsatsi la go batlela bana phaletshe, mme Naledi ya bo e tabogile le magorogelo a dipalamo tsa setshaba ka go farologana go utlwa gore Batswana ba a ketekile jang le gone kae. Magorogelo a dipalamo tsa setshaba a matona kwa Gaborone a bo a itemogela dipalo tse di kwa godimo thata tsa dibase le dikhombi tse di neng di goroga ka matshwititshwiti a batho ba tswa gaufi le kgakala.

Letsapa la mesepele e meleele la bo le bonala mo difatlhegong tsa ba ba neng ba goroga go tswa bokone, bophirina, fa bangwe ba ne ba lapisitswe ke go tlola melolwane kwa ba reng ba ne ba ile go obamela Modimo teng. Bogolo jang kwa Aferika Borwa, kwa Masione a letshwao la Naledi le Leeba ba reng ba ne ba lebile kwa Moria.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up